O rebotswe ka 5 Sedimonthole 2000.
MOLAO
Go laola motheo wa thutot le katiso ya bagolo; go dira ditlamelo tsa go tlhomiwa, taolo le tlamelo ka matlole ya ditikwatikwe tsa setšhaba tsa thuto ya bagolo; go tlamela kwadiso ya ditheo tsa poraefete tsa go ithuta tsa bagolo; go tlamela netefaletso ya boleng le tsweletso ya boleng mo motheong wa thuto le katiso ya bagolo; go tlamela dithulaganyo tsa kagabaganyo; le go tlamela dintlha tse di amanang le yona.
KETAPELE
LE FA GO TLHOKAGALA GO -
TLHOMA a thulaganyo e e golaganeng ya bosetšhaba ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo e e rotloetsang taolo ya tirisano le go tlamela motheo wa thuto le katiso ya bagolo o o itshetlegileng ka manane;
AGA SEŠWA LE GO FETOLA manane le ditikwatikwe go tsibogela ditlhokego tsa badiri, ekonomi le tlhabololo ya Rephaboliki botoka;
BAAKANYA kgethololo e e fetileng le go netefatsa tekatekano le phitlhelelo e e tshwanang;
NETEFATSA phitlhelelo ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo le lefelo la tiro ke batho ba ba neng ba kgaphetswe kwa thoko mo nakong e e fetileng, jaaka basadi, digole le le ba tlhokang;
TLAMELA ditšhono tse di lekanetseng tebang le go ithuta ga bagolo le kitso ya go buisa le go kwala,go tlhola kitso le tlhabololo ya dikgono mo go tsamaisaneng le maemo a boditšhabatšhaba a borutegi le boleng jwa setegeniki;
TSWELETSA mesola e e gatelelang setšhaba sa demokerasi e e ikaegileng ka seriti sa botho, tekatekano le kgololosego;
ROTLOETSA dintlha tsa botlhokwa tse di tlhomamisitsweng ke maikemisetso a pholesi ya bosetšhaba mo maemong otlhe a taolo le tsamaiso mo lephateng la motheo wa thuto le katiso ya bagolo;
TLOTLA le go rotloetsa demokerasi le go tsweletsa mokgwa o o tsholetsang ditshwanelo tsa botlhokwa tsa botho le go tlhola tikologo e e maleba ya thuto le katiso ya bagolo;
LATEDISISA botswerere, tsweletsa phitlhelelo e e tletseng ya bokgoni jwa moithuti le modiri mongwe le mongwe, itshokelano ya dikakanyo le kamogelo ya dipharologano;
TSIBOGELA ditlhokego tsa Rephaboliki, mmaraka wa badiri le setšhaba se se direlwang ke ditikwatikwe;
TLALELETSA Togamaano ya Tlhabololo ya Dikgono ka tirisano le Lefapha la Badiri;
KA JALO E E DIRWE MOLAO ke Palamente ya Rephaboliki ya Aforika Borwa, jaana:-
DITENG
Karolo
KGAOLO YA 1
DITLHALOSO LE TIRAGATSO YA MOLAO
Ditlhaloso
Maikemisetso a Molao
KGAOLO YA 2
DITIKWATIKWE TSA SETŠHABA
Go tlhomiwa ga tikwatikwe ya setšhaba
Tshwaragano ya ditikwatikwe tsa setšhaba
Go tswalelwa ya ditikwatikwe tsa setšhaba
KGAOLO YA 3
TAOLO YA DITIKWATIKWE TSA SETŠHABA
Taolo le tsamaiso ya tikwatikwe ya setšhaba
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba
Go tlhophiwa ga maloko a lekgotlatsamaiso
Lekgotlatsamaiso le le lengwe la ditikwatikwe tsa setšhaba tse pedi kgotsa go feta
Ditiro tsa lekgotlatsamaiso lotlhe
Badiri ba ba thapilweng ke Puso kwa setheong sa setšhaba
Tsweletso ya bokgoni jwa makgotlatsamaiso
Go retelelwa ga makgotlatsamaiso go dira ditiro
Go ikgogela morago ga maloko a lekgotlatsamaiso
Dikatso tsa maloko a lekgotlatsamaiso
Dikomiti tsa lekgotlatsamaiso
Kamogelo kwa tikwatikweng ya setšhaba
Lekgotlakemedi la baithuti
Dikgatokgalemo
KGAOLO YA 4
TLAMELO YA DITIKWATIKWE TSA SETŠHABA KA MATLOLE
Maikarabelo a Puso
Ditlwaelo le Maemo tebang le tlamelo ya tikwatikwe ya setšhaba ka matlole
Matlole a tikwatikwe ya setšhaba
Direkhoto le dikatlanegiso tsa ditšhelete tsa tikwatikwe ya setšhaba
Go retelelwa ga lekgotlatsamaiso go obamela Molao
KGAOLO YA 5
DITIKWATIKWE TSA PORAEFETE
Go thewa ga tikwatikwe ya poraefete
Kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete
Kgogelo morago ga kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete
Diketletso tsa tikwatikwe ya poraefete e e kwadisitsweng
Phetolelo ya tikwatikwe ya poraefete go nna ya setšhaba
Ditiro tsa Mohuduthamaga mabapi le tikwatikwe ya poraefete
KGAOLO YA 6
NETEFALETSO YA BOLENG LE PHETISO
Netefaletso ya boleng le phetiso mo motheong wa thuto le katiso ya bagolo
Pegelo ka ga netefaletso ya boleng
KGAOLO YA 7
KAKARETSO
Tiro ya tikwatikwe go tlamela tshedimosetso
Patlisiso kwa tikwatikweng ya setšhaba
Phetolo ya leina la tikwatikwe ya setšhaba
Ditlolomolao
Tekanyetso ya melato
Tholelo ya dithata
Melawana
KGAOLO YA 8
KGABAGANYO LE DITHULAGANYO TSE DINGWE
Ditikwatikwe, makgotlana le mekgatlho e e leng teng
Kgololo ya ditikwatikwe tse di leng teng
Setlhogo se se khutshwane
KGAOLO YA 1
DITLHALOSO LE TIRAGATSO YA MOLAO
Ditlhaloso
Mo Molaong o, ntle le fa tiriso e kaya ka mokgwa mongwe -
i "mogolo" go tewa motho yo nang le dingwaga di le lesomethataro kgotsa go feta;
ii "motheo wa thuto le katiso ya bagolo" go tewa manane otlhe a thuto le katiso ya bagolo go simolola ka kgato ya 1 go ya go 4 fa kgato ya 4 e lekanang le a kereiti ya 9 mo dikolong tsa setšhaba; kgotsa b letlhomeso la kgato ya 1 la borutegi jwa bosetšhaba jaaka go kailwe mo Molaong wa SAQA, 1995 Molao No. 58 wa 1995;
iii "moruni" go tewa motho mongwe le mongwe yo o kwadisitsweng go ya ka Molao wa Diakhaonto tsa Setšhaba le Baruni, 1991Molao No. 80 wa 1991;
iv "tikwatikwe" go tewa tikwatikwe ya setšhaba kgotsa ya poraefete;
v "motsamaisi wa tikwatikwe" go tewa tlhogo ya tikwatikwe ya setšhaba yo o tlhomilweng ke Tlhogo ya Lefapha go latela Molao wa Thapo ya Barutabana, 1998 Molao No. 76 wa 1998;
vii "Khansele ya Ditona tsa Thuto" go tewa Khansele e e theilweng ka fa tlase ga karolo ya Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No. 27 wa 1996;
viii "Lefapha" go tewa lefapha la mmuso le le rweleng maikarabelo a thuto kwamaemong a bosetšhaba;
ix "Mokaedikakaretso" go tewa Mokaedikakaretso wa Lefapha;
x "morutabana" go tewa motho mongwe le mongwe yo o rutang, yo o fatlhosang kgotsa yo o katisang moithuti, kgotsa yo o tlamelang ditirelo tsa thuto ya porofešenale, go akaretsa tshidilo ya seporofešenale le ditirelo tsa saekholoji ya thuto kwa tikwatikweng;
xii "lekgotlatsamaiso" go tewa jaaka go tlhalositswe mo karolong ya 8;
xiii "kereiti" go tewa kereiti jaaka e tlhalosistwe mo karolong ya Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa, 1996 Molao No. 84 wa 1996;
xiv "Tlhogo ya Lefapha" go tewa tlhogo ya lefapha la thuto la porofense;
xv "moithuti" go tewa motho mongwe le mongwe yo o amogelang thuto go latela Molao o;
xvi "Mokhuduthamaga" go tewa Leloko la khuduthamaga ya porofense e e maleba yo o rweleng maikarabelo a thuto mo porofenseng eo;
xvii "Tona" go tewa Tona ya Thuto;
xviii "LBMTKB" go tewa Lekgotlakeletso la Bosetšhaba la Motheo wa Thuto le Katiso ya Bagolo, le le theilweng ka melawana ya ka karolo 11 ya Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No. 27 wa 1996;
xix "sethwe sa Puso" go tewa sethwe sa Puso jaaka go tlhalositswe mo karolong 239 ya Molaotheo;
xx "pholesi" go tewa pholesi e tlhomamisitswe ke -
a Tona go ya ka Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No. 27 wa 1996; kgotsa b Mokhuduthamaga wa go ya ka molao wa porofense;
xxi "tikwatikwe ya poraefete" go tewa tikwatikwe ya poraefete e e kwadisitsweng go ya ka karolo 27 mme e tlamela motheo wa thuto le katiso ya bagolo;
xxii "kokoanopeomolao ya porofene" go tewa kgotlapeomolao ya porofense e e kailweng mo karolong 104 ya Molaotheo;
xxiii "tikwatikwe ya setšhaba" go tewa tikwatikwe ya setšhaba ya bagolo e e theilweng go ya ka karolo 3 mme e tlamela motheo wa thuto le katiso go baithuti ba bagolo;
xxiv "Molao o" o akaretsa melawana e e dirilweng ka fa tlase ga Molao o.
Tiragatso ya Molao
 Molao o.dira mo motheong mongwe le mongwe wa thuto le katiso ya bagolo e e tlamelwang ke tikwetikwe nngwe le nngwe mo Rephaboliking ya Aforika Borwa.
Leloko la Khuduthamaga le Tlhogo ya Lefapha ba tshwanetse go dirisa dithata dingwe le dingwe tse ba di neetsweng ke, kgotsa ka fa tlase ga Molao o, morago ga go tsaya maikarabelo a a feletseng a pholesi e e maleba e e tlhomamisitsweng go ya ka Molao wa Pholesi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No. 27 wa 1996.
KGAOLO YA 2
DITIKWATIKWE TSA SETŠHABA
Go tlhomiwa ga ditikwatikwe tsa setšhaba
 Leloko la Khuduthamaga le ka tlhoma tikwatikwe ya setšhaba, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense le ka madi a a beetsweng tiro eo ke kgotlapeomolao ya porofense e e amegang,.
Tikwatikwe nngwe le nngwe ya setšhaba e e kailweng mo karolwaneng 1e tshwanetse go nna mothomolaong.
Tikwatikwe ya setšhaba e e mo lefatsheng la Puso, e na le tshwanelo, mo pakeng ya go nna teng ga yona, go nna mo lefatsheng le go dirisa lefatshe le e leng mo go lone mo mabakeng a thuto go tswela tikwatikwe mosola.
Mo karolong e, lefatshe la Pusole akaretsa lefatshe le le tshotsweng mo teraseteng mo boemong jwa morafe ke terasete e e dirilweng ka molao.
Tshwanelo e e kailweng mo karolwaneng 3 e ka lekanyediwa ke Tlhogo ya Lefapha fa tikwatikwe e sa dirisetse lefatshe mabaka a thuto.
Tlhogo ya Lefapha e ka nna ya se tseye dikgato ka fa tlase ga karolwana 5 ntle le fa a -
a itsisitse lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ka ga maikaelelo a gagwe go tsaya dikgato le mabaka a teng;
b neetse lekgotlatsamaiso la tikwatikwe nako e e lekanetseng go tlhagisa maikutlo a tebang le kgato ya go nna jalo; le c fa a sekasekile ditlhagiso tsa go nna jalo tse di amogetsweng.
Tlamelo ya dibebofatsi
 Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go tlamela dibebofatsi tse di tshwanetseng go dirisiwa ke tikwatikwe ya setšhaba go dira ditiro tsa yona go ya ka Molao o.
Fa go se na dibebofatsi dipe tse di ka dirisiwang ke tikwatikwe ya setšhaba, Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go kopa lekgotlatsamaiso la sekolo sa setšhaba go letla tikwatikwe ya setšhaba go dirisa dibebofatsi tsa sekolo go ya ka karolo 20 1k ya Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa, 1996 Molao No.84 wa 1996.
Morago ga go dira kopo e e kailweng mo karolwaneng 2, Tlhogo ya Lefapha le lekgotlatsamaiso la sekolo ba tshwanetse go dira tumalano magareng ga tse dingwe ka ga -
a selekano sa nako, le nako ya letsatsi kgotsa bosigo mo dibebofatsi tsa sekolo di ka dirisiwang ke tikwatikwe ya setšhaba;
b mokgwa o dibebofatsi le didiriswa le ditshenyegelo di tshwanetseng go arolelwana ka teng magareng ga sekolo le tikwatikwe ya setšhaba;
c bothati jo bo maleba bo tshwanetse go rwala maikarabelo a dituelelo tse di kailweng mo temaneng ya b;
d tlhokomelo le tokafatso ya dibebofatsi tsa sekolo;
e phitlhelelo ya dibebofatsi tsa sekolo ke batho botlhe ba ba nang le kgatlhego;
f tshireletsego ya sebebofatsi; le g dikamano magareng ga lekgotlatsamaiso la sekolo le lekgotlatsamaiso la tikwetikwe ya setšhaba.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go ikgolaganya le lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le le amegang pele pele go tsenwa mo tumalanong e e kailweng mo karolwaneng 3.
Morago ga ditherisano le Khansele ya Ditona tsa Thuto, Tona a ka nne a dira melawana tebang le ditlhokego tsa tumalano e e kailweng mo karolwaneng 3.
Go tshwaraganngwa ga ditikwatikwe tsa setšhaba
 Go ya ka karolwana , Mokhuduthamaga, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, a ka tshwaraganya ditikwatikwe tse pedi tsa setšhaba kgotsa go feta go nna tikwatkwe e le nngwe ya setšhaba.
Pele a tshwaraganya ditikwatikwe tse pedi kgotsa go feta tsa setšhaba Mokhuduthamaga o tshwanetse go -
a itsise ditikwatikwe tse di amegang ka ga maikaelelo a go di tshwaraganya;
b phasalatsa kitsiso e e neelang mabaka a tshwaraganyo e e tshisintsweng ka lokwalodikgang lo lo longwe kgotsa go feta lo lo buisiwang mo kgaolong e ditikwatikwe di leng mo go yona;
c naya makgotlatsamaiso a ditikwatikwe tse di amegang le batho bangwe le bangwe ba ba nang le kgatlhego tšhono ya go tlhagisa maikutlo a bone mo malatsing a le 90 go tswa mo letlheng la kitsiso e e kailweng mo temaneng ya b;
d akanya ka gamaikutlo a go nna jalo; le e kgotsofalela gore bathapi ba badiri kwa ditikwatikweng tse di amegang tsa setšhaba ba kgotsofaditse maikarabelo a bone go latela molao wa badiri o o maleba.
Dithoto, melato, ditshwanelo le dipateletsego tsa ditikwatikwe tse di tshwaragantsweng di wela mo tikwatikweng e le nngwe e e kailweng mo karolwaneng 1.
Makgotlatsamaiso a ditikwatikwe tse di kailweng mo karolwaneng 1 a tshwanetse go nna le kopano pele ga tshwaragano go tlhama lekgotlatsamaiso le lengwe la nakwana.
Lekgotlatsamaiso la nakwana le tshwanetse go swetsa ka tekanyetsokabo le dipharologano tsa mokgwa wa maitsholo le dituelo, gammogo le ntlha nngwe le nngwe e e maleba mo tshwaraganong kgotsa e e laoletsweng, go fitlhela go tlhamiwa lekgotlatsamaiso le le lešwa go latela karolo 8.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe nngwe le nngwe ya setšhaba le le tshwanetseng go tshwaraganngwa ka fa tlase ga karolwana 1, le ka ikuela kwa go Tona kgatlhanong le tshwaragano.
Go tswalelwa ga tikwatikwe ya setšhaba
 Mokhudutamaga, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, a ka tswalela tikwatikwe ya setšhaba.
Pele a tswalela tikwatikwe ya setšhaba, Mokhuduthamaga o tshwanetse go -
a itsise lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ka ga maikaelelo a gagwe go dira jalo le mabaka a gagwe a go dira jalo;
b neela lekgotlatsamaiso la tikwatikwe tšhono e e lekaneng go tlhagisa maikutlo a bone mo go ene tebang le kgato ya go nna jalo;
c nna le ditheetso tsa setšhaba morago ga malatsi a le 90 go tswa ka letlha la kitsiso e e kailweng mo karolwaneng 1 go kgontsha setšhaba go ntsha maikutlo a sona mabapi le kgato ya go nna jalo; le d akanya sentle ka ga ditlhagiso tsa go nna jalo tse a di amogetseng.
Fa tikwatikwe ya setšhaba e tswetswe go latela karolwana 1 dithoto le melato yotlhe ya tikwatikwe ya go nna jalo go tshwanetse ga diranwa le tsona go ya ka molao ke Mokhuduthamaga ka tirisano le lekgotlatsamaiso, mme dithoto dingwe le dingwe tse di setseng morago ga go duelela melato yotlhe, di sala le Puso.
KGAOLO YA 3
TAOLO YA DITIKWATIKWE TSA SETŠHABA
Taolo le tsamaiso ya tikwatikwe ya setšhaba
 Tikwatikwe ya setšhaba e laolwa ke lekgotlatsamaiso.
Tlekgotlatsamaiso le tshwanetse nna mo maemong a botshepegi mabapi le tikwatikwe.
Tsamaiso ya tikwatikwe ya setšhaba e tshwanetse go diragadiwa ke motsamaisi wa tikwatikwe ka fa tlase ga taolo ya Tlhogo ya Lefapha.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba
 Tikwatikwe nngwe le nngwe ya setšhaba e tshwanetse go tlhoma lekgotlatsamaiso ntle le tikwatikwe ya setšhaba e e kailweng mo karolong 21 (d) ya Molao wa Dikolo tsa Aforika Borwa 1996 (Molao No. 84 wa 1996) kgotsa karolo 9 ya Molao wa Tsweletso ya Thuto le Katiso, 1998 (Molao No. 98 wa 1998).
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go dirwa ke -
a maloko a a tlhophilweng;
b motsamaisi wa tikwatikwe, mo maemong a gagwe a semmuso;
c maloko a a tseeleditsweng;
d moemedi mongwe le mongwe wa mokgatlho mongwe le mongwe o o etleetsang;
e momedi mongwe le mongwe wa mokgatlho wa digole, fa go maleba; le f moitseanape mongwe le mongwe mo lephateng la motheo wa thuto le katiso ya bagolo, fa go maleba.
Maloko a lekgotlatsamaiso le le kailweng mo karolwaneng 2a ba tshwanetse go tlhophiwa go tswa mo -
a barutabaneng kwa tikwatikweng;
b badiring ba e seng barutabana; le c baithuti kwa tikwatikweng;
Leloko le le kailweng mo -
a karolwaneng 3a le tshwanetse go tlhophiwa ke barutabana kwa tikwatikweng;
b karolwaneng 3b le tshwanetse go tlhophiwa ke badiri ba e seng barutabana kwa tikwatikweng; le c karolwana 3c le tshwanetse go tlhophiwa ke baithuti kwa tikwatikweng.
Maloko a a kailweng mo karolwaneng 2a, b, d, e ale fba tshwanetse go tseeletsa maloko a a kailweng mo 2c go tswa mo setšhabeng se se direlwang ke tikwatikwe mme maloko a a tseeleditsweng jalo ba ka tlhopha kwa kopanong nngwe le nngwe ya lekgotlatsamaiso.
a Lekgotlatsamaiso le le kailweng mo karolwaneng 2le tshwanetse go tseeletsa leloko la lekgotlatsamaiso -
i modulasetulo wa lekgotlataoo kgotsa leoloko lengwe le lengwe le le supilweng ke ena; kgotsa ii mogokgo kgotsa morutabana mongwe le mongwe yo o supilweng ke ena, wa sekolo sa setšhaba se tikwatikwe e direlang kwa go sona.
b Leloko le le kailweng mo temaneng ya aga le a tshwanela go tlhopha kwa kopanong ya lekgotlatsamaiso.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le dira go ya ka mabaka a molaotheo a a tshwanetseng go dumalana le ditlhokego tse di tlhomamisitsweng ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense.
Molaotheo o o kailweng mo karolwaneng 7 o tshwanetse go tlamela tshiamelo ya -
a kopano ya lekgotlatsamaiso bonnyane ga ne ka ngwaga le dithulaganyo tse di tshwanetseng go latelwa kwa dikopanong tsa go nna jalo;
b go kwala le go tshola metsotso ya dikopano tsa lekgotlatsamaiso; le c go rebola metsotso ya go nna jalo go sekasekiwa ke Tlhogo ya Lefapha.
Lekgotlatsamaiso le tshwanetse go neela Tlhogo ya Lefapha khopi ya molaotheo wa lone malatsi a le 90 morago ga go tlhophiwa ga lone.
Fa tikwatikwe ya setšhaba e tlhomilwe go ya ka karolo 3, taolo ya tikwatikwe eo e nna mo diatleng tsa Tlhogo ya Lefapha go fitlhela lekgotlatsamaiso le tlhomiwa go latela dintlha tsa Molao o.
Go tlhophiwa ga maloko a lekgotlatsamaiso
Mokhuduthamaga , ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, o tshwanetse go tlhomamisa-
a paka ya ofisi ya maloko le baofisisri ba lekgotlatsamaiso;
b gore ke motlhankedi ofe yo o tshwanetseng go tsamaisa thulaganyo ya go tlhagisa maina le go tlhophiwa ga maloko a lekgotlatsamaiso;
c thulaganyo ya go tlosa kgotsa go ntsha leloko la lekgotlatsamaiso kgotsa go phatlhalatsa lekgotlatsamaiso, ka mabaka a a lekaneng mo ntlheng nngwe le nngwe;
d thulaganyo ya go tlatsa phatlha mo lekgotlatsamaisong;
e dikaelo tsa phitlhelelo ya kemedi ya maloko a lekgotlatsamaiso;
f mokgwa wa go bala maloko a lekgotlatsamaiso mo karolong nnwe le nngwe e e kailweng mo karolong 83, le gore mokgwa wa go nna jalo o tshwanetse go tlamela kemedi e e siameng ya karolo nngwe le nngwe mme o kgone go ka dirisetswa bogolo le maemo a a farologaneng a ditikwatikwe tsa setšhaba; le g mabaka mangwe le mangwe a a tlhokagalang tebang le ditlhopho, go supiwa kgotsa go tsena tirong ga maloko a lekgotlatsamaiso.
Lekgotlatsamaiso le le lengwe la ditikwatikwe tse pedi tsa setšhaba
 Mokhuduthamaga a ka tlhomamisa gore taolo ya ditikwatikwe tsa setšhaba tse pedi kgotsa go feta e nne mo lekgotlatsamaisong le le lengwe fa -
a go le mo kgatlhegelong ya thuto le ditikwatikwe;
b go le mo kgatlhegelong yasetšhaba; kgotsa c fa a kopilwe go dira jalo ke makgatlataolo a ditikwatikwe tsa go nna jalo, fa go na le makgotlatsamaiso a go nna jalo.
Pele a tlhomamisa ka fa tlase ga karolwana 1, Mokhuduthamaga o tshwanetse go-
a neela kitsiso mo Kaseteng ya Porofense ka ga maikaelelo a gagwe go dira jalo;
b neela ditlhopha tse di nang le kgatlhego tšhono go dira ditlhagiso tse di kwadilweng mo sebakeng se se seng ka fa tlase ga malatsi a le 30; le c sekaseka ditlhagiso tsotlhe tsa go nna jalo.
Mokhuduthamaga , ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, o tshwanetse go tlhomamisa tlhamo ya ya lekgotlatsamaiso le le lengwe ka mokgwa o o netefatsang gore tikwatikwe e nngwe le e nngwe e emetswe ka tekatekano.
Lekgotlatsamaiso lengwe le lengwe le le amang ke kitsiso go ya ka karolwana 2 le tswelela go nna teng go fitlhela go tshwarwa kopano ya ntlha ya lekgotlatsamaiso le le tlhamilweng go ya ka karolo e.
Maikarabelo a makgotlatsamaiso
 Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go -
a tsweletsa dikgatlhegelo tsa tikwatikwe ya setšhaba le go netefatsa tlhabololo ya yone ka go tlamela baithuti botlhe ba ba kwa tikwatikweng ya setšhaba ka thuto ya boleng;
b go tlhabolola lenane la kgwebo la tikwatikwe ya setšhaba;
c tlamela tshedimosetso nngwe le nngwe e e amanang le tikwatikwe ya setšhaba le ditiro tsa yona fa Tlhogo ya Lefapha e di kopa;
d rwala maikarabelo a tekanyetsokabo le tsamaiso ya dithulaganyo tsa tsamaiso ya ditšhelete tsa tikwatikwe ya setšhaba;
e tsweletsa ditiro le manane a tikwatikwe ya setšhaba;
f tlaleletsa go bonwa ga dithusathuto tsa tikwatikwe ya setšhaba;
g netefatsa gore go na le maemo a a edileng a go ithuta a baithuti;
h batla tshegetso ya tikwatikwe ya setšhaba;
i tshola direkhoto sentle tsa dikopano tsotlhe tsa lekgotlatsamaiso;
j tlhama ponelopele le maikemisetso a tikwatikwe ya setšhaba;
k tlhomamisa pholisi ya puo ya tikwatikwe ya setšhaba, go ikaegilwe ka pholisi;
l atlanegisa go thapiwa ga barutabana ba tikwatikwe ya setšhaba go ya ka Molao wa Thapo ya Barutabana;
m tlhoma le go tsamaisa letlole la tikwatikwe ya setšhaba go tswa mo dikatsong tsa boithaopi;
n nna le molaotheo;
o nna le molao wa maitsholo wa baithuti tikwatikweng ya setšhaba;
p diragatsa ditiro tsotlhe tse di tshwanetseng go dirwa ke lekgotlatsamaiso ka fa tlase ga Molao o; le q diragatsa ditiro tse dingwe tsotlhe tse di nyalelanang le Molao jaaka o tlhomamisitswe ke Tona ka kitsiso mo Kaseteng ya Mmuso, kgotsa ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense.
Tikwatikwe ya setšhaba e ka tlhola diphatlhatiro tsa -
a barutabana le go thapa barutabana ba tlaleletso mo godimo ga palo e e tlhomamisitsweng ke Mokhuduthamaga go ya ka karolo 5 ya Molao wa Thapo ya Barutabana; le b ba e seng barutabana le go thapa badiri ba e seng barutabana ba tlaleletso mo godimo ga palo e e tlhomamisitsweng go latela Molao wa Bodiredipuso, 1994 Kgoeletso No. 103 ya 1994.
Tikwatikwe ya setšhaba e ka thapa morutabana fela mo phatlhatirong e e kailweng mo karolwaneng 2a fa morutabana wa go nna jalo a ikwadisitse le Khansele ya Barutabana ya Aforika Borwa.
Badiri ba ba kailweng mo karolwaneng 2 ba tshwanetse go thapiwa ka tumalano le mabaka a a mosola le ditheo tse di kailweng mo karolong 195 ya Molaotheo, le dintlha tse di tshwanetseng go elwa tlhoko fa go thapiwa di tshwanetse bonnyane di akaretse -
a bokgoni jwa mokopatiro;
b theo ya tekatekano;
c botlhokwa jwa go siamisa ditshiamololo tse di fetileng; le d botlhokwa jwa kemedi.
Fa le tlhagisa tekanyetsokabo ya ngwaga e e kailweng mo karolong ya 24 lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go neelana ka dintlha tse di lekaneng ka ga diphatlatiro dingwe le dingwe tse di lebeletsweng go ya ka karolwana 2, go akaretsa ditshenyegelo tse di phopholetswang tse di amanang le go thapiwa ga badiri mo diphatlhatirong tsa go nna jalo le mokgwa o go tshikingwanang gore ditshenyegelo tseo di tla duelwa jang.
Puso ga e rwale maikarabelo a tiro kgotsa tlogelo nngwe le nngwe e e dirilweng ke tikwatikwe ya setšhaba tebang le maikarabelo a yona a konteraka jaaka mothapi tebang le badiri ba ba thapilweng go ya ka karolwana 2.
Morago ga ditherisano jaaka go kailwe mo karolong 5 ya Molao wa Pholisi ya Thuto ya Bosetšhaba, 1996 Molao No. 27 wa 1996, Tona a ka nne a tlhomamisa ditlwaelo le maemo ka kitsiso mo Kaseteng ya Mmuso tebang le matlole a a diriseditsweng go thapa badiri ba ba kailweng mo karolwaneng 2, fela ditlwaelo le maemo a go nna jalo ga a tshwanela go jaaka go dira Puso mothapi wa badiri ba go nna jalo.
Badiri ba ba thapilweng ke Puso kwa ditikwatikweng tsa setšhaba
 Palo ya barutabana ba tikwatikwe ya setšhaba e tlhomamisiwa ke kabo ya diphatlhatiro ke Tlhogo ya Lefapha go tswa mo palong yadiphatlhatiro tsa barutabana ba porofensetse di rebotsweng ke Mokhuduthamaga go ya ka karolo 5 ya Molao wa Thapo ya Barutabana, mme barutabana ba ba thapilweng mo diphatlhatirong tsa go nna jalo ba thapilwe go ya ka mabaka a Molao oo.
Palo ya badiri ba e seng barutabana ba tikwatikwe e tlhomamisiwa go ya ka Molao wa Bodiredipuso, 1994 Kgoeletso No. 103 ya 1994
Koketso ya bokgoni jwa makgotlatsamaiso
 go tswa mo matloleng a a reboletsweng lebaka le ke kokoanopeomolao ya porofense, Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go tlhoma lenane go tlamela -
a katiso ya go tsenngwa tirong ga makgotlatsamaiso a a sa tswang go tlhophiwago a kgontsha go dira ditiro tsa ona; le b katiso e e tswelelang ya makgotlatsamaiso go tsweletsa bokgoni mo tirong ya ona kgotsa go a kgontsha go dira ditiro tse dingwe tsa tlaleletso.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go netefatsa gore motsamaisi wa tikwatikwe le batlhankedi ba bangwe ba lefapha la thuto ba thusa makgotlatsamaiso mo go direng ditiro tsa bone go ya ka Molao o.
Go retelelwa ga lekgotlatsamaiso go diragatsa maikarabelo
 Fa lekgotlatsamaiso le feditse kgotsa le reteletswe ke go dira tiro ya lona, Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go phatlhalatsa lekgotlatsamaiso, mme a supe motho a le mongwe kgotsa go feta go dira ditiro tseo sebaka se se sa feteng dikgwedi tse tharo.
Tlhogo ya Lefapha e ka atolosa paka e e kailweng mo karolwaneng 1, dipaka tse dingwe tse di sa feteng dikgwedi tse tharo ka paka, fela pakagotlhe ga e a tshwanela go feta ngwaga o le mongwe.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go netefatsa gore lekgotlatsamaiso le tlhophiwa go ya ka Molao o mo sebakeng sa ngwaga morago ga go tlhophiwa ga motho kgotsa batho ba ba kailweng mo karolwaneng 1.
Go ikgogela morago ga maloko a lekgotlatsamaiso
Leloko la lekgotlatsamaiso le tshwanetse go ikgogela morago mo kopanong ya lekgotlatsmaiso sebaka sa dipuisano le go tsaya tshwetso mo ntlheng nngwe le nngwe e a nang le kgatlhego mo go yona ka namana.
Tuelo ya maloko a lekgotlatsamaiso
 Ditshenyegelo tse di tlhokegang tse leloko la lekgotlatsamaiso le tseneng mo go tsona a dira tiro ya gagwe di tshwanetse go duelelwa ke lekgotlatsamaiso.
Ga go na leloko lepe la lekgotlatsamaiso le le tla duelwang ka mokgwa le duelelwa go dira tiro ya lone.
Dikomiti tsa lekgotlatsamaiso
 Lekgotlatsamaiso le ka -
a tlhoma dikomiti, go akaretsa ya khuduthamaga; le b supa batho ba e seng maloko a lekgotlatsamamiso go tsena mo dikomiting tsa go nna jalo ka ntlha ya bokgoni, fela leloko la lekgotlatsamaiso le tshwanetse go nna modulasetulo wa kopano nngwe le nngwe.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba e e tlamelang thuto go baithuti ba ditlhokego tse di kgethegileng tsa thuto le tshwanetse go tlhoma komiti ya thuto ya ditlhokego tse di kgethegileng.
Kamogelo kwa tikwatikweng ya setšhaba
 Tikwatikwe ya setšhaba e tshwanetse go amogela baithuti mme e tlhokomele ditlhokego tsa bone tsa thuto kwa ga go kgetholola ka mokgwa o o sa siamang ka tsela nngwe.
Kopo ya go amogelwa kwa tikwatikweng ya setšhaba e tshwanetse go romelwa go Tlhogo ya Lefapha ka tsela e e tla bong e tlhomamisitswe ke ena .
Fa kopo e e kailweng mo karolwaneng 2 e gannwe, Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go kwalela moithuti ka ga go ganwa go go jalo le mabaka a teng.
Moithuti mongwe le mongwe yo o gannweng go amogelwa ke tikwatikwe wa setšhaba a ka dira boikuelo kgatlhanong le tshwaetso ya Tlhogo ya Lefapha kwa go Mokhuduthamaga.
Lekgotlakemedi la baithuti
 Lekgotlakemedi la baithuti kwa tikwatikweng le tshwanetse go tlhomiwa kwa tikwatikweng nngwe le nngwe ya setšhaba.
Mokhuduthamaga, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense, a ka tlhomamisa dikaelo tebang le go tlhomiwa, go tlhophiwa le ditiro tsa lekgotlatsamaiso la baithuti.
Dikgatokgalemo
 Moithuti mongwe le mongwe kwa tikwatikweng ya setšhaba o tshwanetse ke go obamela molawana wa maitsholo, dikgatokgalemo le dithulaganyo jaaka di ka tlhomamisiwa ke lekgotlatsamaiso go ikaegilwe ka pholisi ya porofense.
Pholisi e e kailweng mo karolwaneng 1 e tshwanetse go dirana ka tota le dikgato tsa go thibela bomorafe, tshotlako ka thobalano le kgarakgatso ya bong.
Molawana wa maitsholo o tshwanetse go nna le ditshiamelo tsa thulaganyo ya go sireletsa dikgatlegelo tsa moithuti mo thulaganyong ya dikgatokgalemo.
KGAOLO YA 4
TLAMELO YA DITIKWATIKWE TSA SETŠHABA KA MATLOLE
Maikarabelo a Puso
 Mokhuduthamaga o tshwanetse go tlamela motheo wa thuto le katiso ya bagolo ba setšhaba go tswa mo matloleng a a beetsweng morero o ke peomolao ya porofense ka mokwa o o lekalekanang le ka mokgwa o o sengbofitlha.
Mokhuduthamaga, go ya ka ditlwaelo le maemo a a tlhomamisitsweng go ya ka karolo 22, diragatsa-
a lebaka lengwe le lengwe le le siameng tebang le tlamelo ya matlole a a kailweng mo karolwaneng 1; le b maemo a a farologaneng tebang le ditikwatikwe tse di farologaneng, manane a a farologaneng a motheo wa thuto le katiso ya bagolo, fa go na le lebaka le le siameng tebang le dipharologano tse.
Mokhuduthamaga o tshwanetse gore ngwaga le ngwaga a neelane ka tshedimosetso e e lekaneng mo ditikwatikweng tsa setšhaba mabapi le tlamelo ka matlole e e kailweng mo karolwaneng 1 go kgontsha ditikwatikwe tsa setšhaba go baakanya tekanyetsokabo ya ngwaga o o latelang wa ditšhelete.
Tlwaelo le Maemo a tlamelo ya ditikwatikwe tsa setšhaba ka matlole
 Go ya ka Molao wa Pholisi ya Thuto ya Bosetšhaba 1996, (Molao No. 27 wa 1996), , Tona o tshwanetse go tlhomamisa ditlwaelo le maemo a go tlamela ditikwatikwe tsa setšhaba ka matlole, morago ga ditherisano le Khansele ya Ditona tsa Thuto, Tona ya Matlotlo le NABABET.
Matlole a ditikwatikwe tsa setšhaba
Matlole a tikwatikwe ya setšhaba a dirwa ke -
a matlole a abiwang ke Puso;
b dikatso kgotsa dimpho dingwe le dingwe tse di amogelwang ke tikwatikwe;
c madi a a kgobokantsweng ke tikwatikwe;
d madi a a duelwang ke baithuti ba duelela motheo wa thuto le katiso ya bagolo e e tlamelwang ke tikwatikwe; le e matlole a mangwe go tswa kwa metsweding mengwe.
Direkhoto tsa ditšhelete le dikanego tsa ditikwatikwe tsa setšhaba
 Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba, ka tsela e e tlhomamisistweng ke Mokhuduthamaga le -
a tshwanetse go tshola direkhoto tse di feletseng tsa dithoto tsotlhe, melato, lotseno le ditshenyegelo le dithulaganyo dingwe le dingwe tsa ditšhelete tsa tikwatikwe ya setšhaba ka kakaretso, ya makgotlana a yonale mekgatlho e mengwe e e dirang ka fa tlase ga taolo ya yona;
b tshwanetse gore mo ngwageng mongwe le mongwe wa ditšhelete, ka nako eo le ka tsela e e tlhomamisistweng ke Mokhudutamaga a neelane ka kanego ya lotseno le ditshenyegelo tsa yona tebang le ngwaga o o latelang wa ditšhelete go Mokhuduthamaga go ntsha thebolo ya gagwe ka tumalano le Mokhuduthamaga wa Ditšhelete mo porofenseng eo;
c tshwanetse go neelana ka dikanego tsa tekanyetso ya lotseno le ditshenyegelo go Mokhuduthamaga mo ngwageng mongwe le mongwe wa ditšhelete go ntsha thebolo ya gagwe ka tumalano le Mokhuduthamaga wa Ditšhelete mo porofenseng eo; le d ga le a tshwanela go tsena mo ditshenyegelong tse di fetang madi a a rebotsweng go ya ka ditemana tsa b le c.
Fa Mokhuduthamaga a sa rebole kanego ya tekanyetso ya lotseno le ditshenyegelo, Mokhuduthamaga o tshwanetse go batla gore lekgotlatsamaiso le mo neele tekanyetso e e sekasekilweng mo pakeng e e riling ya nako.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba, tebang le ngwaga wa ditšhelete o o fetileng le ka letlha kgotsa matlha le ka mokgwa o o a a tlhomamisitsweng ke Mokhuduthamaga, le tshwanetse go tlamela Mokhuduthamaga ka -
a pegelo ka ga tsamaiso ya tikwatikwe ka kakaretso;
b dikanego tsa lotseno le ditshenyegelo tse di runnweng kgotsa tse di tlhatlhobilweng sentle; le c papetla ya tshalelo le kanego ya tiriso ya madi.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go tlamela Mokhuduthamaga ka tshedimosetso e nngwe e a ka e kopang.
Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go thapa motho yo o kwadisitsweng jaaka mmalatlotlo le moruni go ya ka Molao wa Bommalamatlotlo le Baruni wa Setšhaba, 1991 Molao 80 wa 1991, go runa direkhoto le dikanego tsa matlotlo tse di kailweng mo karolwaneng 1.
Fa thuno e e kailweng mo karolwaneng 5 e sa kgonagale, lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le tshwanetse go thapa motho go sekaseka le go neela pegelo ka ga direkhoto le dikanego tse di kailweng mo karolong 1 yo-
a o siametseng go dira tiro ya mmalamatlotlo go ya ka karolo 60 ya Molao wa Ditlamo tse Dinnye, 1984 Molao 69 wa 1984; kgotsa b o rebotsweng ke Mokhuduthamaga tebang le lebaka le.
Go se nne le motho ope yo o nang le dikgatlhegelo tsa matlotlo a tikwatikwe ya setšhaba yo o tla thapiwang ka fa tlase ga karolo e.
If Mokhuduthamaga a bona go le botlhokwa, a ka kopa Morunikakaretso go runa direkhoto le dikanego tsa ditšhelete tsa tikwatikwe ya setšhaba.
Go retelelwa ga lekgotlatsamaiso go diragatsa Molao
 Fa lekgotlatsamaiso la tikwatikwe le retelelwa ke go diragatsa dingwe tsa dikaelo tsa Molao o mo kabo go tswa mo mading a a beetsweng kwa thoko ke lekgotlapeomolao la porofense a duelwang tikwatikwe ya setšhaba, kgotsa ka lebaka lengwe le lengwe ntle le fa kabo nngwe le nngwe e duelwa tikwatikwe ya setšhaba, Mokhuduthamaga a ka laela lekgotlatsamaiso go diragatsa dikaelo kgotsa mabaka mo pakeng e e beilweng.
Fa lekgotlatsamaiso morago ga moo le retelelwa ke go diragatsa dikaelo kgotsa maemo ka nako, Mokhuduthamaga a ka tshwara bontlha jwa tuelo e e rebotsweng ke kgotlapeomolao ya porofense tebang le tikwatikwe ya setšhaba e e amegang.
Pele a tsaya dikgato ka fa tlase ga karolwana 2, Mokhuduthamaga o tshwanetse go -
a neela lekgotlatsamaiso la tikwatikwe e e amegang ya setšhaba kitsiso ya maikaelelo a go dira jalo;
b neela lekgotlatsamaiso la go nna jalo tšhono e e siameng go dira ditlhagiso; le c sekaseka ditlhagiso tsa go nna jalo.
Fa Mokhuduthamaga a tsaya dikgato ka fa tlase ga karolwana 2, o tshwanetse go tlhagisa pegelo mo kokoanopeomolaong ya porofense tebang le kgato kgotsa ka bonako jo bo kgonagalang morago ga go tsaya kgato.
KGAOLO YA 5
DITIKWATIKWE TSA PORAEFETE
Go tlhomiwa ga tikwatikwe ya poraefete
 Ka tumalano le karolo 27, motho mongwe le mongwe a ka tlhoma le go tlhokomela tikwatikwe ya poraefete ka ditshenyegelo tsa gagwe.
Kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete
 Ga go motho ope yo o tshwanetseng go tlhoma kgotsa go tlhokomela tikwatikwe ya poraefete ntle le fa e kwadisitswe ke Tlhogo ya Lefapha.
Mokhuduthamaga, ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense o tshwanetse go tlhomamisa mabaka a ka one kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete e ka letliwang kgotsa ya gogelwa morago ke Tlhogo ya Lefapha.
Tlhogo ya Lefapha e tshwanetse go kwadisa tikwatikwe ya poraefete fa a ikgotsofaditse gore -
a maemo a a tshwanetseng go tshegediwa ke tikwatikwe ya poraefete ya go nna jalo ga a kitla a nna kwa tlase ga maemo a a tshegeditsweng ke ditikwatikwe tsa setšhaba;
b pholisi ya kamogelo ya tikwatikwe ya poraefete ga e kgetholole ka ntlha ya mabaka a bomorafe; le c tikwatikwe ya poraefete e dumalana le maemo a kwadiso a a kailweng mo karolwaneng 2.
Kgogelomorago ya kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete
 Ga go kgogelomorago ya tikwatikwe ya poarefete e e tla amogelwang ntle le fa -
a mong wa tikwatikwe ya poraefete ya go nna jalo a filwe kitsiso ya maikaelelo a go gogela morago kwadiso ke Tlhogo ya Lefapha , a kaya mabaka a gore ke ka ntlha ya eng go akanngwa ka kgogelomorago ya go nna jalo;
b mong wa tikwatikwe ya poraefete ya go nna jalo a filwe tšhono ya go lebisa tlhagiso e e kwadilweng kwa go Tlhogo ya Lefapha gore ke ka ntlha ya eng kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete e sa tshwanela go gogelwa morago; le c ditlhagiso tsa go nna jalo tse di amogetsweng di sekasekilwe sentle.
Mong wa tikwatikwe ya poraefete a ka dira boikuelo go Mokhuduthamaga kgatlhanong le go gogelwa morago ga kwadiso ya tikwatikwe ya poraefete ya go nna jalo.
Diketleetso tsa tikwatikwe ya poraefete e e kwadisitsweng
 Tona, ka kitsiso mo Kaseteng ya Mmuso, a ka tlhomamisa ditlwaelo le maemo kgotsa mabaka a go tlamela ditikwatikwe tsa poraefete ka diketleetso morago ga ditherisano le Khansele ya Ditona tsa Thuto le Khomišene ya Ditšhelete le Merero ya Ditšhelete.
Mokhuduthamaga, go tswa mo matloleng a a rebotsweng ke kgotlapeomolao ya porofense mabapi le seo, a ka neela tikwatikwe ya poraefete ketleetso ka tumalano le karolwana 1.
Fa mabaka a a kailweng mo karolwaneng 1 a ketleetso e rebotsweng ka fa tlase ga go a dumalanwa ka one, Tlhogo ya Lefapha a ka khutlisa kgotsa a fokotsa ketleetso go tswa ka letsatsi le le tlhomamisiwang ke ene.
Tlhogo ya Lefapha e ka khutlisa kgotsa a fokotsa ketleetso ka fa tlase ga karolwana 3 ntle le fa -
a mong wa tikwatikwe eo ya poraefete a neetswe kitsiso ka ga maikaelelo a go kgaola kgotsa go fokotsa ketleetso le mabaka a teng;
b mong wa go nna jalo a filwe tšhono e e ya go dira boikuelo jo bo kwadilweng gore ke ka ntlha ya eng ketleetso e sa tshwanela go kgaolwa kgotsa go fokodiwa; le c ditlhagiso tsa go nna jalo tse di amogetsweng di sekasekilwe sentle.
Mong wa tikwatikwe ya poraefete a ka lebisa boikuelo kwa go Mokhuduthamaga kgatlhanong le kgaolo kgotsa go fokodiwa ga ketleetso kwa tikwatikweng ya go nna jalo.
Go fetolela tikwatikwe ya poraefete go nna ya setšhaba
 Mokhuduthamaga ka tumalano le Mokhuduthamaga wa Ditšhelete mo porofenseng eo, a ka dira tumalano le mong wa tikwatikwe ya poraefete ka tsela e e leng gore tikwatikwe ya go nna jalo e dirwa tikwatikwe ya setšhaba.
Kitsiso ya go fetola maemo a a kailweng mo karolwaneng 1 e tshwanetse go phasaladiwa mo Kaseteng ya Porofense.
Maikarabelo a Mokhuduthamaga tebang le tikwatikwe ya poraefete
 Mokhuduthamaga ka Kitsiso mo Kaseteng ya Porofense a ka tlhomamisa ditlhokego tsa -
a kamogelo ya baithuti ba tikwatikwe ya poraefete mo ditlhatlhobong tse di tsamaisiwang ke, kgotsa ka fa tlase ga tlhokomelo ya lefapha la thuto;
b go tsholwa ga direjisetara le dikwalo tse dingwe ke tikwatikwe ya poraefete ya go nna jalo;
c mabaka a tshiamelo, mabaka le mokgwa wa tuelo ya ketleetso nngwe le nngwe go tikwatikwe ya go nna jalo; le d mabaka mangwe le mangwe a a amanang le tikwatikwe ya go nna jalo a a ka kgosa a a tshwanetseng go laolelwa go ya ka Molao o.
Ditlhokego tse di farologaneng di ka dirwa ka fa tlase ga karolwana 1 tebang le ditikwatikwe tse di farologaneng.
Mokhuduthamaga o tshwanetse go letla ditlhopha tse di amegang nako e e siameng go tshwaela ka ga ditlhokego dingwe le dingwe tse a ikaelelang go di tlhomamisa ka fa tlase ga karolwana 1.
KGAOLO YA 6
NETEFALETSO YA BOLENG LE PHETISO
Netefaletso ya boleng le phetiso mo motheong wa thuto le katiso ya bagolo
Netefaletso ya boleng le tsweletso ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo e tshwanetse go dirwa jaaka go tlhalositswe mo Molaong wa Netefaletso ya Boleng jwa Thuto le Katiso ka Kakaretso le Go ya Pele, 2001 (Molao No. 58 wa 2001).
 NABABET e tshwanetse go eletsa Tona ka ga tsweletso le netefaletso ya boleng.
Tona o tshwanetse go -
a sekaseka keletso nngwe le nngwe e e neilweng ke NABABET; le b neela NABABET mabaka a a kwadilweng fa Tona a a sa amogele keletso.
Tona a ka tsaya kgato kwa ntle ga keletso ya NABABET fa-
a ntlha e le ya tshoganyetso; kgotsa b NABABETe reteletswe ke go neelana ka keletso mo sebakeng sa malatsi a le 14 morago ga go dirwa ga kopo eo.
Fa Tona a tsaya dikgato jaaka go tlhalositswe mo karolwaneng 3 o tshwanetse go -
a itsise NABABET ka ga kgato ya go nna jalo; le b go neela NABABET mabaka a a kwadilweng ka ga kgato ya go nna jalo.
Pegelo ka ga netefaletso ya boleng
 Tona o tshwanetse go neelwa pegelo ya ngwaga ka ga boleng jwa motheo wa thuto le katiso ya bagolo mo sebakeng sa malatsi a le 90 morago ga bokhutlo jwa ngwaga wa dithuto ke -
a NABABET tebang le naga yotlhe; le b Mokhuduthamaga tebang le porofense e e maleba.
KGAOLO YA 7
KAKARETSO
Tiro ya ditikwatikwe go tlamela tshedimosetso
 Tikwatikwe e tshwanetse go dira gore tshedimosetso e nne teng go ka sekasekwa ke motho mongwe le mongwe, mo e leng gore tshedimosetso eo e batlelwa tirisetso le tshireletso ya ditshwanelo tsa motho wa go nna jalo.
Tikwatikwe nngwe le nngwe e tshwanetse go tlamela tshedimosetso ya go nna jalo ka ga tikwatikwe jaaka go tlhokwa ke Tlhogo ya Lefapha, kgotsa Mokaedikakaretso ka tirisano le Tlhogo ya Lefapha.
Tlhogo ya Lefapha, Mokaedikakaretso le tikwatikwe nngwe le nngwe e e tlamelang motheo wa thuto le katiso ya bagolo e tshwanetse go tlamela tshedimosetso ya go nna jalo ka ga tikwatikwe kgotsa boleng jwa motheo wa thuto le katiso ka fa go ka tlhokwang ka teng ke NABABET.
Dipatlisiso kwa tikwatikweng ya setšhaba
 mokhuduthamaga a ka supa mongwe go dira dipatlisiso kwa tikwatikweng ya setšhaba fa -
a Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le kopa go supiwa ga motho wa go nna jalo;
b go tlhagelela maemo kwa tikwatikweng ya setšhaba a a -
i amang matlotlo kgotsa tsamaiso e e sokameng ka mokgwa o o masisi; kgotsa ii nyatsang tiro e e siameng ya tikwatikwe ya setšhaba;
c lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba le reteletswe ke go rarabolola dintlha tse di tlhagisitsweng mo temaneng ya b; kgotsa d go supiwa ga motho yoo go le mo kgatlhegelong ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo mo setšhabeng sa demokerasi e e bulegileng.
Motho yo o supilweng go ya ka karolwana 1 o tshwanetse gore mo sebakeng sa malatsi a le 30 morago ga go supiwa le go latela dintlha tse di kailweng ke Mokhuduthamaga a -
a dira dipatlisiso kwa tikwatikweng ya setšhaba e e amegang;
b kwalela pegelo kwa go Mokhuduthamaga ka ga diphitlhelelo tsa dipatlisiso tsa gagwe; le c tshisinya dikgato tse di maleba go rarabolola bothata.
Mokhuduthamaga o tshwanetse gore ka bonako jo bo kgonagalang a neele lekgotlatsamaiso le le amegang khopi ya pegelo e e kailweng mo karolwaneng 2.
Go fetola leina la tikwatikwe ya setšhaba
 Lekgotlatsamaiso la tikwatikwe ya setšhaba ka tetla ya Mokhuduthamaga le ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense , le ka fetola leina la tikwatikwe ya setšhaba.
Tlolomolao
 Motho mongwe le mongwe ntle le setheo sa puso, yo kwa ntle ga taelo ya tikwatikwe ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo -
a a tlamelang kgotsa a dira jaaka e kete o tlamela lenane la motheo wa thuto le katiso ya bagolo kgotsa bontlhabongwe jwa teng;
b a neela borutegi jo bo bontshang bo neetswe ke tikwatikwe, kgotsa ka tirisano le tikwatikwe; kgotsa c a bontsha a drela tiwatikwe, o na le molato wa tlolomolao mme o tshwanetse ke kotlhao ya katlholelo nngwe le nngwe e e ka nnang ya tsietso.
Motho mongwe le mongwe yo o dirang jaaka e kete o neetswe borutegi ke tikwatikwe fa tota a sa neelwa borutegi jwa go nna jalo, o molato wa tlolomolao mme o tshwanetse ke kotlhao ya katlholelo nngwe le nngwe e e ka nnang ya tsietso.
Motho mongwe le mongwe yo o tlolang karolo 271, o molato wa tlolomolao mme o tshwanetswe ke katlholo ya faene kgotsa go ya kgolegelong sebaka se se sa feteng dingwaga di le tlhano kgotsa ka bobedi faene e e jalo le go ya kgolegelong.
Tekanyetso ya molato
 Puso, NABABET kgotsa motho mongwe le mongwe yo o thapilweng go ya ka Molao o ga a rwale maikarabelo a go timelelwa kgotsa tshenyegelo ya motho mongwe le mongwe ka ntlha ya tiro e e dirwang kgotsa e e sa dirwang ka boikanyego ke motho yo o thapilweng go ya ka Molao o.
Tholelo ya dithata
 Tona, ka mabaka a a ka a tlhomamisang, a ka rolela dithata tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o, ntle le thata ya go dira melawana, le tiragatso nngwe le nngwe ya ditiro tsa gagwe go ya ka Molao o go -
b Modiri mongwe le mongwe wa Lefapha; kgotsa c Mokgatlho mongwe le mongwe wa Puso.
Mokhuduthamaga, ka mabaka a a ka a tlhomamisang, a ka rolela dithata tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o le le tiragatso ya ditiro tsa gagwe go ya ka Molao o go -
a Modiri mongwe le mongwe mo lefapheng la porofense le le rweleng maikarabelo a thuto le katiso; kgotsar b mokgatlho wa puso.
Mokaedikakaretso, ka mabaka a a ka a tlhomamisang, a ka rolela dithata tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o le tiragatso nngwe le nngwe ya ditiro tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o go modiri mongwe le mongwe mo Lefapheng.
Tlhogo ya Lefapha, ka mabaka a a ka a tlhomamisang, a ka rolela dithata tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o le tiragatso nngwe le nngwe ya ditiro tsa gagwe ka fa tlase ga Molao o go modiri mongwe le mongwe mo lefapheng la thuto la porofense.
Kemedi go ya ka Molao o ga e thibele Tona, Mokhuduthamaga, Mokaedikakaretso kgotsa Tlhogo ya Lefapha, ka fa go ka tswang go le ka teng, mo go diragatseng dithata tsa go nna jalo kgotsa go dira ditiro tsa go nna jalo.
Melawana
 Tona kgotsa Mokhuduthamaga, ka fa go ka tswang go le ka teng, a ka dira melawana e e dumalanang le Molao o ka ga -
a ntlha nngwe le nngwe e Tona le Mokhuduthamaga ba nang le dithata kgotsa go batlegang gore ba e laolele go ya ka melawana ya Molao o; le b ntlha nngwe le nngwe e go tlhokegang melawana kgotsa e leng botlhokwa go fitlhelela maikaeleo a Molao o.
KGAOLO YA 8
KGABAGANYO LE DITHULAGANYO TSE DINGWE
Ditikwatikwe, makgotlana le mekgatlho e e leng teng
 Tikwatikwe nngwe le nngwe ya motheo wa thuto le katiso ya bagolo e e ntseng e le teng pele ga tshimologo ya Molao o, e tshwanetse go tsewa jaaka e tlhomilwe go ya ka Molao o.
Lekgotla kgotsa mokgatlho mongwe le mongwe o o ntseng o le teng kwa tikwatikweng ya setšhaba pele ga tshimologo ya Molao o o tswelela go dira go fitlhela o emelwa ke mokgatlho o o kailweng mo Molaong o.
Thebolo ya ditikwatikwe tse di leng teng tsa poraefete
Karolo 38 ga e dire mo mothong yo o neng a tlamela manane a motheo wa thuto le katiso ya bagolo kwa tikwatikweng ya poraefete fela pele ga letlha la tshimologo ya Molao o go fitlhela ka letlha le le tlhomamisistweng ke Mokhuduthamaga ka kitsiso mo Kaseteng ya Porofense.
Setlhogo se se khutshwane
Molao o, o bidiwa Molao wa Motheo wa Thuto le Katiso ya Bagolo, 2000.
